Tractor (MAIZE)								Tswana

	

Lenaneotlhatlhobo la terekere ya gago – karolo 2



Instructions:

Folio Strap: Tlamelo

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Khosong ya Tiragatso ya Bokgoni



Mo kgatisong ya Motsheganong, 2010 ya Pula/Imvula re tlametse ka lenaneo la ditlhatlhobo di le mmalwa tse di tshwanetsweng go dirwa pele o dirisa terekere ya gago.  Terekere e botlhokwa mo polaseng,  mme fa o sa tlhokomele terekere ya gago, e tlaa go ja madi a a boitshegang.  Karolo 2 ya kgannyana e e a latela.



Tlhatlhoba selekanyaseedi sa thulaganyo ya tsidifatso

Tlhatlhoba selekanyo sa metsi enjene e sa le tsididi. Fa go se na lebotlele la metsi mo terekereng, selekanyo sa metsi a a mo radiethareng se tshwanetse se nne 25 mm go tswa kwa godimo. Netefatsa gore go na le sethibelakgatselo se se lekaneng mo setsidifatsing.



Tlhatlhoba 3 point hitch pins

Netefatsa gore bogolo jwa dipene le diphini tsotlhe ke jo bo nepagetseng.



Tlhatlhoba top link

Netefatsa gore top link e tshasitswe kirisi le gore go dirisitswe diphini tsa bogolo jo bo nepagetseng.



Tlhatlhoba bara ya kgogo

Netefatsa gore diboutu tsotlhe mo bareng ya kgogo di gagamaditswe mme o dirise pene ya bara ya kgogo e e nepagetseng.



Ditsamaiso tsa go dumisa tse di latelang di tshwanetse go latelwa pele o simolola go dumisa terekere:



Ka gale nna mo setilong pele o dumisa terekere

Itse ka ga ditlhokomediso tsa pabalesego tsa terekere nngwe le nngwe. Mo diterekereng dingwe o tshwanetse go gatelela tlelatšhe kwa teng mme molongwana wa kere o nne fa gare fela.



Letla terekere go dumaduma (idle) metsotso e se mekae mme o tlhatlhobe dilekanyi (gauges) le diponetsiboso tsotlhe mo phaneleneng ya didiriswa. Fa sengwe se sa siama se baakanye pele o tsamaya. O se ke wa refa terekere go sa tlhokege. 



Ka gale dirisa terekere e le mo kereng e e nepagetseng mme o se tlogelele enjene go goga bokete.



Go tima terekere 

Letla terekere go dumaduma motsotso kgotsa e mebedi, gore thebo e tsidifale pele o tima enjene. Tlatsa tanka ya disele ya gago morago ga tiro ya letsatsi go thibela phokafalo le marothodi a metsi mo tankeng ya disele ya gago.



